Bala Dikgakololo

From Wikimania 2013 • Hong Kong
This page is a translated version of the page Must-read tips and the translation is 97% complete.
Outdated translations are marked like this.

Tla ka baki

Hong Kong ga itsege thata ka selemo se se mogote gape le dipula.Matlhabaphefo a a agetsweng mo dikagong a siame thata gape o kare ditsidifatsi,bogolo jang mo mafelong a marekisetso a matona.Re rotloetsa batho go tlisa di baki,go apara mo teng ga dikago fa seemo sa loapi se ka fetloga.

Selemo mo Hong Kong se tlwaelesegile thata ka bokgola le dipula tsa dikgadima.Jaaka pula e ka na lobaka la houra,mme fela nna fela o ntse o ipaakanyeditse pula,bogolo jang fa ba tepo loapi ba thalosa fa go ka nna le kgonagalo ya pula mo letsatsing.Dikhukhu kgotsa diaparo tsa pula di tlwaelesegile,gantsi di ditona go di rwalarwala mme ebile di ka tlisa kgoreletso gareng ga batho ba ba mabapi,bogolo jang fa o tswa o tsena mo dikagong.Go nale hutshe e e rwalwang go thibela pula go go kolobetsa kgotsa diaparo tsa pula hela ke ngwe ya tse di botoka go ka aparwa fa motho a ntse a tsamaya a raletse pula le mo teng ga dikago!

Tsaya pasa ya gago ka nako tsotlhe

Tsweetswee! tsaya pasa ya gagao ka nako tshotlhe kgotsa sepe se ka go kayang mme se rurifadiswe ke molao,ka gore mapodise a Hong Kong ba nale tshwanelo ya go tlhola dipasa fa go tlhokafala mme ebile ba dira jalo ka nako tsotlhe.[1]

Mo maemelong a difofane a Hong Kong HKG:Dirisa maranyane a Intenete pele fa o tsenela kwa badiring ba tsa mesepele.

Maemelo a difofane a Hong Kong a nale maranyane a intenete a a dirisang WiFi a mahala.Re kgotlhatsa batho gore ba a dirise pele ba ka tsenele kwa badiring ba tsa mesepele,ka gore batho bangwe ba a dirisi fela mo mafelong a a sa letlelelweng.Banni ba tlhalosa gore go dingalo go dirisa maranyane a intenete mahala mo mafelong a sechaba ,ka jalo tlhola melaetsa ya gago fela fa o sena go tswa mo sefofaneng sa gago o bo o tsenela kwa o yang teng.

Ga go jwewe kgotsa go Nowa mo ditereneng gape le mo dibeseng

Go nale sesupo sa khotlaelo ya go jela,go nwela le go goga mo tereneng

O itshware fa o le mo ditereneng le mo dibeseng! Go ja le go nwa ga go letlelelwe mo dipalamong ka bontsi tsa mosepele mo Hong Kong.Go roba melawana e go ka baka gore motho a lebiswe molato,le ntswa melawana e e sa papamadiwe mo go kalo fa e se fela tshenyo e e ka itsisiwe badiri.Go tlwaelelsegile gore batho ba bo ba ka go kopa ka botho gore o emise go jela dijo tsa gago mo dipalamong.

Ga go gogelwe mo dikagong (gape le kwa ntle!)

Nnyaa! ga o letlelelwe go gogela le gone mo mafelong a a kwantle,jaaka mafelo a boikhutso

Hong Kong o papamaditse molao yo o sa letleleleng go gogela mo mafelong mangwe a go supilweng ka mokwalo mo mebileng e sale ka tshimolodiso ya simolola molao wa go thibela go gogela mo mafelong a a sa letlelelwang ka January a le bongwe ngwaga wa 2007.Ga gona ope motho yo tla gogang kgotsa go letlelelwa go tshwara motsoko o tshubilwe,peipi kana sepe se se gogegang mo mafelong a sa letlelelweng go gogela mo go one;barobi ba molao ba ka lebisiwa molato wa go duedisiwa selekanyo sa $1,500.[2]

Ka go tlaleletsa mo go se marekisetsong a a mo teng ga dikago jaaka marekisetso a a rekisang dijo,mafelo a marekisetso le diofisi go sa tswa go akaretswa le bo Mmadikolo go dirwa lefelo le sa gogelweng mo go lone (jaaka kwa go tla bong go tshwaretswe moletlo wa Wikimania 2013),mafelo a boikhutso (go sa akaretse mafelo a a faphegileng a a mo teng ga lefelo la boikhutso,fela jaaka ditlilo tsa sechaba tse di fa thoko ga tsela di beilwe sekao sa gore ga go gogelwe mo go one),gape le ditiriso tsa dipalamo tsa sechaba e sale ka phetlogo ya molao,go sa kgatlhalasege gore a o ka tswa o le mo teng ga dikago kgotsa kwa ntle.Mafelo a a go itlhabiswang phefo a marekisetso a dijo gape le dibara a a nang le dibeeletso tsa molora wa motsoko fa godimo ga tanka ya malele di dirisiwa thata ke bagogi ba motsoko jaaka lefelo la go tlila go gogela mo lefelong.

Kgweeletsa kwa molemeng

Re kgweeletsa kwa molemeng mo Hong Kong,eseng jaaka kwa dikgaolong tse dingwe tsa China le mafatshe a mangwe a mabapi,ka gore melawana ya tsela ya mo Hong Kong e tshwana le ya kwa Britain.Go tsenela ka kwa molemeng fa dipone tsa mosepele di tshubile bohibidu ga go letlelelwe mo Hong Kong,gore ba fitli ba tsela ba ba tlolang tsela fa makgabaganyong a dipone tsa mosepele ba seka ka tshwenyega ka dikoloi tse di tseneleng teng.

Ema ntheng ya moja

Tsamaela kwa molemeng,ema kwa mojeng!

Fa o tsamaya ka di setepese ,o ka ele tlhoko gore go nale mola wa batho yo o emeng ka kwa mojeng mme go bo go nna le tsele ka fa melemeng.Go tlwaelesegile gore fa go nale motho yo sa ikutlweng go tsamaya mo di setepeseng o ka emela fa mojeng go fa ba ba fetlang tsela ya ba ba batlang go fetla mo molemeng,mo mafelong a mangwe go nale sesupo se se tla kayang gore motho o tshwanetse go ema fa kae kgotsa go tsamaela fa kae.Fa o sa eme fa molemeng,mongwe yo o itlhaganetseng o ka go kopa gore o mo sutlele kgotsa o tsamaele fa pele.

Ka jalo,gakologelwa gore ka nako tsotlhe:Tsamela ka fa molemeng,eme mo mojeng!

Tlhagiso ka seemo sa loapi se se sa iketlang

Basekaseki ba tsa tepo loapi ba Hong Kong ba nale go ka tlisa tlhagiso ka seemo sa loapi se se tla tlang le go go thusa go ipaakanyetsa phetlogo ya loapi mo oureng pele ga phetlogo eo.

Tsebe ya rona ya tsa tepo loapi Climate page e go neela kitso e e tlhapileng ka ditlhagiso tse di tseneletseng ka seemo sa loapi.Ditlhagiso tse di latelang ke tse di dirisiwang ka dikgwedi tsa selemo:

  • Tlhagiso ka Pula ya Dikgadima
  • Tlhagiso ka Phefo tsa Matsubutsubu
  • Tlhagiso ka mogote o o kwa godimo

Fa tlhagiso e ntshiwa ,kitso e simolola go gasiwa,se se go letlelele gore o bone tlhagiso e gongwe le gongwe go sa kgatlhalasege gore o mo lefelong lefe.

Fa ditlhagiso dingwe di fiwa (jaaka tse , kgotsa sengwe se se kwa godimo),dikgwebo tsa sechaba le dipalamo tsa mesepele di ka nna tsa fokotsa go fa ditirelo mme tse dingwe di chaise ka bonako.Tlhagisega gore o seka wa siwa ke dipalamo tsa mesepele,ka gore di tla simolola go bereka fa ditlhagiso tsotlhe di sena go emisiwa.

Le ntswa diphefo tsa matsubutsubu le dipula tsa dikgadima di ka nna tsa baka ditshenyo kgotsa tsa tseel bangwe matshelo mo ditoropong,o tshwanetse gore o nne o tlhomile matlho ka nako tsotlhe bogolo jang fa o le kwa ntlhena ya lefatshe kgotsa fa o le kwa metsaneng,bogolo jang fa o bapile le dinoka.Fa tiragalo nngwe ya potlako e ka diragala,nna mo lefelong le le babalesegileng (bogosegolo mo ntlong kgotsa mo bonnong jo bo rileng) o bo o leletsa 999.

Footnotes

  1. This is required and enforced under Section 17C, Immigration Ordinance, Cap. 115, Laws of Hong Kong.
  2. Full details of statutory no smoking areas can be found here.